Re a lpela Buka ya Morutabana Grade 11 (TG)

R85,19

Re A Ipela ke lenaneo la go ithuta puo la Setswana Puo ya Gae. E rulagantswe maleba le go fitlhelela ditlhekogo tsa Pegelo ya Pholisi ya Bosetšhaba ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo (CAPS). Re A Ipela e arabela le go kgotsofatsa dikgono tsa Go Reetsa le Go Bua, Go Buisa le Go Lebelela, Go Kwala le go Tlhagisa e sa tlogele morago le Dipopego tsa Puo le melawana ya yona tse e di tlhagisang ka tsenelelo. E na le Buka ya Morutwana le ya Morutabana tse di nyalantsweng ka matsetseleko go tlhofafaletsa bobedi go natefelwa ke Go Ruta le Go Ithuta Puo ya Setswana mo Mophatong wa 11. Buka ya Morutabana e na le: • Matseno a a tlhalosang maikaelelo a Pegelo ya Pholisi ya Bosetšhaba ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo ka botlalo mo Mophatong wa 11. • E tlamela morutabana gape ka ditsela tsa go ruta le go tsamaisa dithuto go go mo nolofaletsang go fitlhelela maikaelelo le dikgono jaaka e le sebetsasegolo sa kharikhulamo le tlhatlhobo mo mophatong mongwe le mongwe. • E na gape le lenaneo la Dikgono le Ditiro tse di tshwanetsweng go dirwa beke le beke go kgotsofatsa diteng tsotlhe tsa kharikhulamo ya Mophato wa 11 e sa tlogele kwa morago le ditlhatlhobo tse di tlhomameng le tse di sa tlhomamang tse di nang le dikarabo go nolofaletsa morutabana go tsamaisa ditlhatlhobo ntle le letsapa lepe fela.

Authors

, , ,

Language

Publisher

ISBN

9781430737377

Number Of Pages

179

File Size

4.80 mb

Format

EPUB

Edition

1

Published

01-07-2012