Legae (Setswana Home Language Grade 9: Novel) ePDF (perpetual licence)

R106,09

Lokwalo lono lo bua segolo ka dikeletso tsa lekolwane le le batlang katlego mo botshelong fela ka kakaretso mmogo le mo lenyalong. Le bona kgarejana e le e kgatlhegelang mme le ikaega ka yona go e dira letlotlo la lorato le dikeletso tsa lona. Maikaelelo a gagwe a bona katlego e le e eleditseng la ba la simolola motse wa lona, la aga lelapa le le tiileng mo motseng wa gaabo wa Pudumong mo Taung.

Le fa gona a ne a santse a tshelela mo setsong sa gaabo, a sa ngaole ka ntlha ya katlegonyana ya gagwe, a nna a phasalatsa diphuka tsa gagwe ka fa a ne a santse a le mo bo_weng. A simolola go naganela pele le go ipaakanyetsa bokamoso jo bo sa itseweng. A tsenela matsema a sekgoa a go ipoloka. A baakanyetsa loso le phitlho ya gagwe a sa le mo botshelong. Tsebetsebe ya tsena batho fa ba utlwa, e bile le ka matlho ba iponela, fa go ne go epiwa mabitla, la gagwe le la ga mogatse, a ba a tlhomelwa letlapa le tshwaragane, e le segopotso sa bona jaaka baswi.

This eBook is in ePDF format, which enables you to:
• View the entire book offline on desktop or tablet;
• Search for and highlight text; and
• Add and edit personal notes directly in your eBook.

Authors

Language

Publisher

ISBN

9780636162181

Number Of Pages

72

File Size

2.26 mb

Format

PDF

Edition

1

Published

31-10-2014