Dikeledi

R139,96

Mosetsana wa dingwaga di lesome le bone o ne a tsaya maikarabelo a botsadi. Le fa mmagwe a ne a bona gore loso lwa gagwe lo fitlhile, o ne a itse gore Dikeledi o tlaa sala a itshwere sentle e bile a tlhokometse bomonnawe. E rile morago ga phitlho ya mmagwe, Dikeledi o ne a lemoga fa bagolo ba motshikeng ba ntse ba somoga ka bongwe ka bongwe mme ena le bomonnawe ba sala e le dikhutsana. Moagisani, MmaSelepe o ne a tsaya maikarabelo a gore o tlaa ba thusa fa ba tlhoka sengwe. Moruti Tau o ne a tlhola Dikeledi le bomonnawe gangwe le gape. E rile go bonala fa dikgwetlho tse Dikeledi a lebaganeng le tsona di le mokowa, moruti a tshepisa go mo thusa. Ka dinako dingwe moruti o ne a ba fa madi go reka tse ba di tlhokang. Dikeledi o ne a bolelela moruti gore ga a itse gore a tshepe mang.

Authors

Language

Publisher

ISBN

9780190736620

Number Of Pages

0

File Size

1.35 mb

Format

EPUB

Edition

0

Published

30-09-2018