Se nkgerise Gr 8 (HL) Setswana Novel (CAPS)

R42,30

Ke tlholego gore lekau le tswe mo bokaung mme le nyale mosadi. Ke boikarabelo ba lekau go bona gore tiro ya lenyalo e tsamaya sentle. Bogadi ba maloba e ne e le ba dikgomo. Gompieno bogadi bo duelwa ka madi. Lekau fa le simolola le re le a gorosa, le tshwanetsa la ba le kgobokantse sentle. O ka rome batho go ya go go batlela sego sa metsi o itse sentle gore kgetsana ya gago ga e a lekana. Lekau le buisana le lekgarebe gore bogadi bo ka tsamaela fa kae. Go tlhabisa kgala gore e re go kgobokanwe, go buiwa ka bogadi, go nne le dikgogakogano. Lekau le bue fa le sa naganelwe. Bomme ba tlogele go gapeletsa barwadi ba bone gore ba ngaparele makau. Bomme ba tshaba gore barwadi ba bona e tla nna mafetwa. Ka dinako dingwe, bomme ba neela barwadi na bona madi gore ba a neele makau. Makau a duele bogadi ka madi a ba a neetsweng le makgarebe a bona

Authors

Language

Publisher

ISBN

9781430749332

Number Of Pages

198

File Size

0.83 mb

Format

PDF

Edition

1