Tshola, re je! (Setswana) Digital Edition

R94,78

Batswana pitsa e tlhatlegilwe, e kgakgathile re e bone rotlhe, fa e le ga jaana, ke kopa re ikatametse mo lobating lwa bojelo re tsholelwe, re je. Ga re ile go letla gore puo ya rona e nyelele, re tla e lwela ra nna bo mosekaphofu ya gaabo yo re itseng fa a sa tshabe go swa lentswe. Nna ke le mokwadi wa lokwalo lo, ke apeile dijo di butswitse, ke tshotse dijo, etlang re je bagaetsho. Bana le bona, a ba tsholelwe ba tle ba itse puo e ya rona, ba itse ngwao ba itse le koo ba yang teng kana setshaba se sa ikitseng se a timela. Ke ne ke bua ke rialo bana ba thari e ntsho. Tshola, re je.

Authors

Language

Publisher

ISBN

9781108160032

Number Of Pages

0

File Size

4.98 mb

Format

EPUB

Published

28-02-2017